Kitsiso ka ga Dipuo
Yunibesiti ya Bokone-Bophirma e amogela gore setšhaba sa rona ke se se dirisang dipuo di le dintsi le gore yunibesithi ya rona le yone ke ya batho ba ba dirisang dipuo tse di farologaneng. Yunibesithi e tlamega gore e nne le thulaganyo ya go amogela dipuo tse di farologaneng tse go tla buisanwang ka tsone mo maemo a a farologaneng mo yunibesithing.
Jaaka fa Molao wa yone o batla, yunibesithi e setse e simolotse thulaganyo e e molemo ya tsamaiso ya go kopa kgakololo ya go rulaganyetsa dipuo e bile e dirile kgatelopele e e molemo tota mo thulaganyong eo, e boikaelelo jwa yone e leng go tlhama pholisi e e mosola e e fetofetogang le maemo ya dipuo ya setheo seno, e boikaelelo jwa yone e leng go rarabolola bothata jwa nako e e fetileng jwa go sa dirisiweng ga dipuo tsotlhe ka tsela e e tshwanang le go rotloetsa go dirisiwa le go amogelwa ga tsone.
E re ka re ikemiseditse gore go dirisiwe dipuo tse di farologaneng, gone jaanong jaana re dira dithulaganyo tsa go dira gore setsha sa rona sa inthanete sa kgwebo se nne teng ka Setswana, Seesemane le Seburu – e leng dipuo di le tharo tse gone jaanong e leng tsa semmuso mo yunibesithing ya rona. Go fitlha thulaganyo eno e wediwa, go ka nna ga direga ka nakwana fela gore tshedimosetso nngwe e nne teng ka Seesemane le Seburu fela, kgotsa ka Seesemane fela kgotsa ka Seburi fela.
|